Tuesday, 17 March 2015

Afrika Borwa wa maaka. .


Mokwadi: Maleke Montshiwagae

nthetseng fa ke re thulaganyo ya mo Afrika Borwa e itshetlegile ka maaka, ditoro le go sa batle go tshwara Nare ka dinaka...bona fa, utlwa, nkutlwelle** ke a re, e ka se re o itlhela mmolai a tswaletswe mo ntlong e le osi le motho yo o siameng, e le gore motho yo o siameng o tswaletswe gobo a ne a bua nnete ka ga mmolai fa mmolai ene a tswaletswe gobo a bolaile batho ba gabo motho yo o siameng, o be o fitlha o ba akaretsa ka komanyo o ba raya o re ba tlogele go bolaya batho, fela ka ntlheng ya gore o ba fitlhetse ba tswaletswe mo ntlong e le osi, gape ele gore ga o batle go utlwisa maikutlo a mmolai botlhoko!.........mo go dimo ga se, o be o tsenya monona mo mpaoleng ka go ba raya o re ba leke ka thata go tshedisana ka kagiso***

........................................................................nnya, o ka se dire jalo!...se o tota o se dirang fano ke phoso e kgolo thata ka ntlheng ya gore fela ko tshimologong o simolola o batla go sireletsa maikutlo a mmolai kgabagare ga o lemoge gore o golofatsa tlhaloganyo, maikutlo, botho le gotlhe ga motho yo o siameng fa wena o lelekisane le tshedisano mmogo e ebileng mmolai a senang kgatlhego mo go yone go feta go laola!...ka seja tlhapi gatwe**your starting point and foundation is flawed***............................................................................................................................

se ke lekang go se tlhalosa fano ke gore, mo Afrika Borwa batho ga mmogo le mokgatlho wa Masilo wa ANC jaaka rre Mangope o tle a ba bitse, ba goeleditse bare ''maAfrika Borwa botlhe'' ba tseye matsapa a go ka tshedisana mmogo!...go ya ka nna, se ke nnyenyefatso ya matsapa a batho ba ba ntsho ba a tseileng ka ngwaga wa 1994 ka go reetsa rre Mandela fa a ne a ikuela gore batho ba rona ba beye marumo fatshe....bo rre tutu le bone ba le mo teng ba dirisa bodumedi go ka re ritibatsa maikutlo! ..ka jalo, masilo a ANC, batho ba bodumedi, badichabachaba le ba goeletsi mmogo ga ba thusi ka sepe fa ba bua ka kakaretso fela mo moeng gore ''batho [botlhe] ba Afrika borwa'' ba dire ka thata go berekela tshidisano mmogo, se ba tshwanetseng go se dira ke go ya go raya bashweu seo, e seng go akaretsa ka komanyo rotlhe ka ntlheng ya gore ba utlwisa maikutlo a rona botlhoko le go nnyenyefatsa matsapa a rona a 1994 e le fa ba sireletse maikutlo a mmolai e leng moshweu!

......................................................................ka jalo, tshimologo ya go bona tswelelo pele e e nang le bokao, e ka se ikaege ka go sa bue le batho ba ba maleba e leng bashweu, e ka se ikaege ka maaka, e ka se ikaege ka go sireletsa ditlhokwa tsa bashweu ba bolai ka go re utlwisa botlhoko le go nnyenyefatsa boleng jwa rona, nnete ya batlega le fa e baba!.................................................................

ka go feleletsa""":::gopola o ipotse gore ba ne ba le kae bone bashweu ka ''the social cohesion summit'' ngwaga tlola wa 2012?.....

No comments:

Post a Comment