Tuesday, 17 March 2015

Go ikitse go a thusa


Mokwadi: Maleke Montshiwagae

Basweu ba bophirima ba tlhola le go tla ka kgang ya gore motho o ne a swa go fela ka ene fa a raga kika, tumelo ya bone ene e le gore botshelo jwa motho bo ne bo tshwana le kerese ka ntlheng ya gore fa o tima kerese lesedi le a fela mme ga gona botshelo morago ga moo!

Jaanong, rona maAfrika go ya ka tumelo le Kitso, e seng tumelo fela, o nthetse sentle, ke rile go ya ka tumelo le Kitso ya rona re ne re itse ka botlalo gore go nale karolo ya senama le ya se moya mo botshelong, ka jalo fa motho a raga kika o ne a sa swe, go ne go sa fele ka ene, mme o ne a tswelela go tshela ko karolong ya se moya e e senang bokhutlo, maAfrika ba ne ba itse gore tsotlhe tse di leng teng ke karolo ya tlhago mme se se tlhaloswa ke ka moo re tlotlang mabitla le badimo ba rona, botlhokwa jwa mabitla re bo bona le ko Egepetwa le dikarolo tse dingwe tsa Africa fa motho a ne a agelwa pyramid ele go mo baakanyetsa gore a goroge sentle ko felong la se moya.....

jaanong basweu ba batla gore re latlhe kitso e ka ntlheng ya gore Jeso o tlile go re boloka mo losong!!!...rona re itsile kgale go tloga ga Lowe gore motho ga a swe, re itsile pele ba goroga mo Afrika, re itsile le pele ga testamente e ntsha e kwadiwa le go bua ka Jeso, ka jalo a Jeso a ye go boloka bone kgatlhanong le loso le ba buang ka lone.....

re leboga badimo ka kitso e tseneletseng e ba re tlogeletseng yona gore re kgone go itshireletsa kgatlanong le masilo a bophirima.

No comments:

Post a Comment